Skip to content
BibleKenya

Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

Bathesalonia I 1

Lokwalo lo lo tswa kwa go: Paulo le Silase le Timotheo. Lo kwalelwa: Phuthego e e kwa Thesalonia, lona ba lo leng ba Modimo Rara le Morena Jesu Keresete: a tshegofatso le kagiso ya pelo e nne dineo tsa lona tse di itekanetseng di tswa kwa Modimong Rraa rona, le kwa go Jesu Keresete Morena wa rona.

Ka malatsi otlhe re leboga Modimo ka lona re ntse re lo rapelela ka metlha yotlhe. Ga re ke re lebala ditiro tsa lona tsa lorato fa re ntse re bua le Modimo wa rona le Rara kaga lona, le kaga tumelo ya lona e e nonofileng le ka go lebelela ka tshisibalo go bonala ga Morena wa rona Jesu Keresete.

Paulo o leboga Bathesalonia

Re a itse gore Modimo o lo tlhophile, bakaulengwe ba ba rategang thata mo Modimong. Gonne erile fa re lo leretse Mafoko a a molemo, e ne e se gore ke puo fela e e senang molemo mo go lona; nnyaa, lo ne lwa reetsa ka kgatlhego e kgolo. Se re se lo boleletseng se ne sa ungwa loungo lo lo nonofileng mo go lona, gonne Mowa O O Boitshepo o ne wa lo naya tlhomamiso e kgolo gore se re se buileng e ne e le boammaaruri. Ebile lo itse ka fa one matshelo a rona a neng a le sesupo mo go lona sa boammaaruri jwa molaetsa wa rona ka teng. Jalo lwa nna balatedi ba rona le ba Morena; gonne lo amogetse molaetsa wa rona ka boitumelo jo bo tswang mo Moweng O O Boitshepo mo godimo ga meleko le dikutlo botlhoko tse o di lo lereditseng.

Mme lona ka sebele lwa nna sekao mo Bakereseteng ba bangwe botlhe mo Masedonia le mo Akaia. Mme jaanong lefoko la Morena le dule mo go lona la anamela kwa ntle kwa go ba bangwe gongwe le gongwe, kgakala go feta melelwane ya Masedonia le Akaia, gonne gongwe le gonwe kwa re yang teng re fitlhela batho ba re bolelela kaga tumelo ya lona e e sa belaesegeng mo Modimong. Ga go tlhokege gore re ba bolelele ka yone, gonne ba re bolelela gangwe le gape kaga kamogelo e e hakgamatsang e ntle e lo re amogetseng ka yone, le ka fa lo furaletseng medimo ya disetwa ka teng lo boela mo Modimong gore jaanong Modimo o o tshelang o o boammaaruri ke one Morena wa lona. Gape ba bua ka fa lo lebeletseng ka teng go bowa ga Morwa Modimo a tswa legodimong, ebong Jesu, yo Modimo o neng wa mo tsosa mo baswing, ebile ke ene fela Mmoloki wa rona mo bogaleng jwa Modimo jo bo boitshegang kgatlhanong le sebe.

Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha. Copyright © 1993 Biblica, Inc. Licensed under CC BY-SA 4.0. “Biblica” is a trademark registered in the United States Patent and Trademark Office by Biblica, Inc. Source: eBible.org. Typeset from the source files; no intended changes to scripture wording. BibleKenya is not endorsed by the rights holder.

Full source notice & licence · CC BY-SA 4.0 · SourceEdition imported 2026-10-25.

BibleKenya

Reader settings

Theme
Font
Alignment
Reading width

Saved in this browser and used offline too. Press ? for keyboard shortcuts.