Skip to content
BibleKenya

Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

Petere I 5

Bagolo le bana

Mme jaanong, ke laya lona bagolwane ba phuthego. Le nna, ke mogolwane; ka matlho a me ke bonye Keresete a a swa mo mokgorong; le nna, ke tlaa tlhakanela kgalalelo le Tlotlo ya gagwe fa a bowa. Bagolwane ka nna, se ke kopo ya me mo go lona: otlang letsomane la Modimo; le tlhokomeleng, e seng ka go patika; e seng ka tsholofelo ya go tsaya sepe mo go lone, mme e leng ka ntlha ya gore lo tlhagafaletse go direla Morena. Lo se nne badipa, mme lo ba goge ka go nna sekao se se siameng. Mme e tlaa re fa Modisa yo Mogolo a tla, tuelo ya lona e tlaa nna seabe se se senang bokhutlo mo kgalalelong le mo tlotlong ya gagwe.

Lona makawana, lo nne kutlo mo go ba bagolwane. Mme lotlhe lo direlane ka mewa e e kokobetseng, gonne Modimo o naya ba ba ikokobetsang masego a a faphegileng, mme o tlhabana le ba ba ikgogomosang. Fa lo ikokobetsa fa tlase ga seatla se segolo sa Modimo, mo lobakeng lwa One lo lo siameng o tlaa lo tsholetsa.

Mo letleng go tsaya dingongorego tsotlhe tsa lona le dipabalelo, gonne o lo akanyetsa ka metlha yotlhe o bile o lebeletse sengwe le sengwe se se lo amang. Itlhokomeleng, lo lebeleleng ditlhaselo tse di tswang kwa go Satane, mmaba, wa lona yo mogolo. O potologa jaaka tau e e dumang e e bolailweng ke tlala, o batla mongwe go mo gagolaka. Nitamang fa a tlhasela. Ikanyeng Morena; lo bo lo gakologelwe gore Bakeresete ba bangwe mo tikologong ya lefatshe le bone ba raletse dipogiso tse.

Fa lo sena go boga ka lobakanyana, Modimo wa rona yo o tletseng bopelo-tlhomogi ka Keresete, o tlaa lo naya kgalalelo ya One e e sa khutleng. One ka boone o tlaa lo tsholetsa, mme o lo tlise, o lo thatafatse go gaisa ka metlha. Mo go One a go nne nonofo mo dilong tsotlhe, ka metlha. Amen.

Bokhutlo

Ke lo romelela lokwalo lo lo khutshwane lo ka bopelonomi jwa ga Silefano yo, mo mogopolong wa me, e leng mokaulengwe yo o ikanyegang thata. Ke solofela gore ke lo kgothaditse ka lokwalo lo gonne ke lo neile bosupi jwa boammaaruri ka fa Modimo o segofatsang ka teng. Se ke se lo boleletseng fa se tshwanetse go lo thusa go nitama mo loratong lwa One.

Phuthego e e mono Roma, ke mokaulengwe wa lona mo Moreneng, e a lo dumedisa; le morwaake Mareko.

Dumedisanang ka mabogo go supa lorato lwa Sekeresete. A kagiso e nne le lona lotlhe ba lo mo go Keresete.

Ke nna,

Petere

Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha. Copyright © 1993 Biblica, Inc. Licensed under CC BY-SA 4.0. “Biblica” is a trademark registered in the United States Patent and Trademark Office by Biblica, Inc. Source: eBible.org. Typeset from the source files; no intended changes to scripture wording. BibleKenya is not endorsed by the rights holder.

Full source notice & licence · CC BY-SA 4.0 · SourceEdition imported 2026-10-25.

BibleKenya

Reader settings

Theme
Font
Alignment
Reading width

Saved in this browser and used offline too. Press ? for keyboard shortcuts.